| Have you heard of the Four Spiritual Laws? | A O Kile Wa Utlwa Ka ditselana tse nne tsa semowa? |
| There are natural laws that control the world in which we live. There are also spiritual laws which determine your relationship with God. | Jaaka go na le melao e e laolang lefatshe go na le melao ya Semowa e e laolang botsalano jwa rona le Modimo. |
| 1 |
God LOVES you and offers a wonderful PLAN for your life.
|
1 |
Modimo o a go Rata , mme o go neela Lenaneo le le gakgamatsang ka botshelo jwa gago.
|
| God's Love | LORATO LA MODIMO |
| "For God so loved the world that He gave His one and only Son, that whoever believes in Him shall not perish but have eternal life." (John 3:16, NIV) | “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3.16) |
| God's Plan | LENANEO LA MODIMO |
| [Christ speaking] “I came that they might have life, and might have it abundantly” [that it might be full and meaningful]. (John 10:10) | [Go bua Keresete] “Nna ke tsile gore ba bone botshelo, mme ba bo bone ka letlotlo.” (Johane 10.10) |
| Not all people are not experiencing the abundant life because.... | Ga se batho botlhe ba ba itemogelang botshelo ka letlotlo gonne… |
|
| 2 |
People are SINFUL and SEPARATED from God so we cannot know and experience God’s love and plan for our life.
|
2 |
Motho ke modiradibe , mme o kgaogane le Modimo. Ka moo ga a kgone go itse le go lemoga lorato le lenaneo la Modimo ka botshelo jwa gagwe.
|
| People are Sinful | MOTHO KE MODIRADIBE |
| "All have sinned and fall short of the glory of God." (Romans 3:23) | “Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo.” (Baroma 3:23) |
| Man was created to be friends with God; but he chose to go his own way, and friendship with God was broken. This is what the Bible calls sin. This is shown: | Motho o dirilwe go nna tsala ya Modirno mme o ne a ingaola mo Modimong. O itlhophetse tsela ya gagwe mme a senya botsalano jwa gagwe le Modimo. Se ke sone se baebele e se bitsang boleo. Se bonala: |
| (1) when man rebels against God, | (1) fa motho a tsuolola Modimo, |
| (2) when he does not care about God and | (2) fa a se na sepe le Modimo, le |
| (3) when he does not live up to God's perfect standard. | (3) fa a sa tshele ka fa tseleng ya Modimo. |
| People are Separated | MOTHO O KGAOGANE LE MODIMO |
| "The wages of sin is death" [spiritual separation from God]. (Romans 6:23) | “Gonne maduo a boleo ke loso” [go kgaogana le Modimo mo moweng]. (Baroma 6:23) |
|
| God is holy and man is sinful. There is a great separation between the two. The arrows show how man tries to reach God and the abundant life through his own efforts: such as living a good life, being religious, helping others etc., but all his efforts fail. | Modimo o Boitshepo mme motho ke moleofi. Ka jalo go na le kgaogano e tona fa gare ga bone. Metswi e e kaya ka fa motho a 1ekang go fitlha ko Modimong le go botshelo ka letlotlo. Se se supagala fa motho a leka go tshela botshelo jo bo siameng, go tshela botshelo jwa borapedi, go thusa ba bangwe le tse dingwe jalo. Matsapa otlhe a ke lefela. |
| The third law gives the only answer to this problem… | Tselana ya boraro e re neela karabo ya bothata jo. |
|
| 3 |
Jesus Christ is the ONLY way man can reach God. He died for us. Through Him you can know God and experience His love and plan for your life.
|
3 |
Jesu Keresete ke ene FELA tsela e motho a ka tlang go Modimo ka yone. O re swetse, ka ene o ka itse Modimo mme wa lemoga lorato le lenaneo la gagwe ka botshelo jwa gago.
|
| He Died and Rose From the Dead | O SULE BOEMONG JWA GAGO |
| “For Christ died for sins once for all, the righteous for the unrighteous, to bring you to God.” (1Peter 3:18) | “Ka Keresete le ene a bogile botlhoko gangwe fela, ka ntlha ya maleo, a le mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re lere mo Modimong.” (1 Petere 3:18) |
| O TSOGILE MO BASWING |
| “After his suffering, he showed himself to these men and gave many convincing proofs that he was alive. He appeared to them over a period of forty days and spoke about the kingdom of God.” (Acts 1:3) | “Ba o bileng a ba ipontsha a tshedile, morago ga loso lwa gagwe, ka ditshupo di le dintsi, a bonala mo go bone ka lobaka lwa malatsi a a 40, a bua dilo tse e leng tsa bogosi jwa Modimo.” (Ditiro 1:3) |
| He Is the Only Way to God | KE ENE FELA TSELA |
| "Jesus said to him, 'I am the way, and the truth, and the life; no one comes to the Father but through Me.'" (John 14:6) | “Jesu a mo raya a re, 'Ke nna tsela, le boamnaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se kana.’” (Johane 14:6) |
|
| God has bridged this separation between us and Himself by sending His Son Jesus Christ, to die on the cross in our place. | Modimo o kabile phatlha e e neng e le teng fa gare ga One le motho ka go romela Jesu Keresete, go swa mo maemong a rona go duela kotlhao ya maleo a rona. |
| It is not enough just to know these three laws … | Ga go a lekana go dumalana le ditselana tse tharo tse fela… |
|
| 4 |
We must individually RECEIVE Jesus Christ as Saviour and Lord; then we can know and experience God’s love and plan for our lives.
|
4 |
Mongwe le mongwe o tshwanetse go AMOGELA Jesu Keresete jaaka Morena le Mmoloki ka moo re tla itse le go lemoga lorato le.
|
| We Must Receive Christ | RE TSHWANETSE GO AMOGELA KERESETE |
| "As many as received Him, to them He gave the right to become children of God, even to those who believe in His name." (John 1:12) | “Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong ba ba dumetseng mo ineng la gagwe.” (Johane 1:12) |
| We Receive Christ Through Faith | RE MO AMOGELA KA TUMELO |
| "By grace you have been saved through faith; and that not of yourselves, it is the gift of God; not as a result of works so that no one may boast." (Ephesians 2:8,9) | “Gonne lo ntse lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo; mme le gone go bile go sa tswe mo go lona; ke neo ya Modimo; go sa tswe mo ditirong, gore go se nne motho ope yo o tlaa ipelafatsang.” (Baefeso 2:8,9) |
| We Receive Christ by inviting him into our lives | RE AMOGELA KERESETE KA GO MO LALETSA |
| [Christ speaking] “Behold, I stand at the door and knock; if any one hears my voice and opens the door, I will come in to him.” (Revelation 3:20) | [Go bua Keresete] “Bona, ke eme fa mojako ke kgwanyakgwanya; fa motho mongwe, lefa e le mang a utlwa lentswe la me, a mpulela ke tlaa tsena kwa go ene ke ja selalelo nae, le ene le nna.” ( Tshenolo 3:20) |
| It is not enough just to agree with Christ’s teachings. Receiving Christ means turning to God from self (repenting). We trust Christ to come into our lives and to forgive us our sins. We let Him make us what he wants us to be. | Ga go a lekana go dumelana le dithuto tsa ga Keresete fela. Go amogela Keresete go tewa go leba ko Modimong re t1ogela bo-rona (itharobologelo). Re solofela gore o tsene mo botshelong jwa rona go re itshwarela maleo a rona. Re mo letlelela go re dira se a ratang re nna sone. |
|
| Di dikwa-dikwe tse pedi tse ke disupi tsa maphelo a
mabedi. (Mefuta) (THESE TWO HEARTS REPRESENT TWO KINDS OF LIVES:)
|
BOTSHELO JWA GO ITAOLA (SELF-DIRECTED LIFE)
|
BOTSHELO JO BO LAOLWANG KE KERESETE (CHRIST-DIRECTED LIFE)
| |
Bo-nna (Self is on the throne)
Keresete (Christ is outside the life.)
|
Keresete (Christ is in the life and on the throne.)
Bo-nna (Self is yielding to Christ.)
|
Se se tlhalosa ka fa o ka amogelang Keresete (The following explains how you can receive Christ:)
|
| You Can Receive Christ Right | KA THAPELO O KA AMOGELA KERESETE JAANONG KA TUMELO |
| (Prayer is talking with God) | (Thapelo ke puisanyo le Modimo) |
| Ask Him to come into your life. Trust Him to do what He has promised. He is more concerned with what you mean in your heart than in the words you say. You may want to pray: | O itse pelo ya gago, O lebile se o se buang mo pelong ya gago go feta mafoko a o a buang. O ka rapela jaana: |
| “Lord Jesus, I need You. I have been controlling my own life and have sinned against You. Thank You for forgiving my sins. Come into my life and take control of my life. Make me the kind of person You want me to be.” | “Morena Jesu. ke a go tlhoka. Ke ntse ke laola mo botshelong jwa me mme ke Go leofetse. Ke a Go leboga go bo o intshwaretse maleo a me. Tsena mo botshelong jwa me. Ntire motho yo O ratang ke nna ene. ” |
| Does this prayer show the desire of your heart? | A thapelo e e bolela keletso ya pelo ya gago? |
| Christ will come into your life
as He promised.
| Fa go le jalo, rapela thapelo e, mme Keresete o tla tsena mo botshelong jwa gago, jaaka a solofeditse |
| How to Know That Christ Is in Your Life | O KA ITSE GORE KERESETE O MO BOTSHELONG JWA GAGO |
| Did you just receive Christ into your life? According to His promise in Revelation 3:20, where is Christ right now? Christ said that He would come into your life. Would He lie to you? How do you know that God has answered your prayer? (Because you can trust God and His Word.) | A o amogetse Keresete mo botshelong jwa gago gone jaana? Go ya ka tsholofetso ya gagwe mo go Tshenolo 3:20, Keresete o kae jaanong? Keresete o rile o tla tsena mo botshelong jwa gago, a o ka go aketsa? O itse jang gore Keresete o arabile thapelo ya gago? (Ka go ikanyega ga Modimo le lefoko la gagwe). |
| The Bible promises Eternal Life to all who receive Christ. | BAEBELE E SOLOFETSA BOTSHELO JO BO SA KHUTLENG GO BAKERESETE |
| "God has given us eternal life, and this life is in His Son. He who has the Son has the life; he who does not have the Son of God does not have the life. These things I have written to you who believe in the name of the Son of God, so that you may know that you have eternal life." (1 John 5:11-13) | “Mme tshupo ke yone e, gore Modimo o re neile botshelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwa one. Yo onang 1e Morwa Modimo o na le botshelo joo; yo o senang Morwa Modimo ga a na botshelo joo. Dilo tse ke di 1o kwaletse, gore lo itse fa lo na le botshelo jo bo sa khutleng, ke raya lona ba lo dume1ang mo ineng la Morwa Modimo.” (1 Johane 5:11-13) |
| Thank God often that Christ is in your life. He will never leave you (Hebrews 13:5). You can know that Christ lives in you and that you have eternal life because of His promise. | Leboga Modimo thata gonne Keresete a le mo botshelong jwa gago. O rile ga a kitla a go tlogela (Bahebera 13:5) O ka itse go ya ka ditsholofetso tsa Gagwe gore Keresete o mo botshe1ong jwa gago, le gore o na le botshelo jo bo sa khutleng, ka one motsotso o neng o amogela Keresete ka one. |
| Do Not rely on your Feelings | SE IKAEGE KA MAIKUTLO |
| The Christian lives by believing God and what He says in the Bible. The promise of God's Word is our authority. This drawing shows how the Truth of the Bible, Faith and Feelings work together in your Christian life. | Mokeresete o tshela ka go ikanya Modimo le se Modimo o se buileng mo baebeleng. Ditsholofetso tsa lefoko la Modimo ke nonofo ya rona. Setshwantsho se sa terena se bontsha gore Boammaruri jwa Baebele, tumelo le maikutlo di bereka jang mmogo. |
|
| 1. Truth has the power to lead us. | 1. Boammaruri bo na le nonofo ya go re goga. |
| 2. We are joined to the power of Truth by Faith. | 2. Tumelo e re kopanya le nonofo ya boammaruri. |
| 3. As we obey the Truth, our feelings follow along in the right way. | 3. Fa re utlwa boammaruri maikutlo a rona a latela mo tseleng e e siameng. |
| 4. We trust God and His Truth, not our Feelings. | 4. Re ikanya Modimo le Boammaruri jwa Gagwe e seng maikutlo. |
| Now That You Have Received Christ | AANONG O AMOGETSE KERESETE |
| The moment that you received Christ by faith many things happened: | Ka.nako e o neng o amogela Keresete ka yone go diragetse dilo tse dintsi: |
- Christ came into your life (Revelation 3:20 and Colossians 1:27)
| - Keresete o tsenye mo botshelong jwa gago. (Tshenolo 3:20; Bakolosa 1:27)
|
- Your sins were forgiven (Colossians 1:14)
| - Maleo a gago a itshwaretswe. (Bakolosa 1:14)
|
- You became a child of God (John 1:12)
| - O fetogile ngwana wa Modimo. (Johane 1:12)
|
- You began the great adventure for which God created you. (John 10:10; 2 Corinthians 5:17; 1 Thessalonians 5:18)
| - O simolotse go lemoga lenaneo la Modimo ka botshelo jwa gago. (Johane 10:10; 2 Bakoranta 5:14,15,17).
|
| Can you think of anything more wonderful that could happen to you than receiving Christ? Would you like to thank God in prayer right now for what He has done for you? By thanking God, you demonstrate your faith. | A o akanya gore go na le sengwe se se fetang go amogela Jesu Keresete mo botshelong jwa gago? A o ka rata go leboga Modimo ka thapelo jaanong ka o itse se a go diretseng sone? Go leboga Modimo go supa tumelo ya gago. A re rapele. |
| To enjoy your new life
to the fullest...
| Go itumela mo botshelong jwa gago jo bosha… |
| How to grow spiritually | GO GOLA SEMOWENG |
- Go to God in prayer daily (John 15:7)
| - Tlaa go Modimo ka thapelo malatsi otlhe. (Johane 15:7)
|
- Read God's Word daily. (see Acts 17:11) Begin with the Gospel of John.
| - Bala lefoko la Modimo malatsi otlhe (Ditiro 17:11) Simolola ka efangedi ya ga Johane.
|
- Obey God moment by moment. (see John 14:21)
| - Utlwa Modimo ka metlha yotlhe. (Johane 14:21)
|
- Witness for Christ by your life and words. (Matthew 4:19; John 15:8)
| - Nna mosupi wa ga Keresete ka botshelo le ka mafoko a gago. (Matheo 4:19 & Johane 15:8)
|
- Trust God for every detail of your life. (1 Peter 5:7)
| - Tshepa Modimo ka dintlha tsotlhe tsa botshelo jwa gago. (1 Petere 5:7)
|
- Have God control and empower your daily life and witness (Galatians 5:16, 17 & Acts 1:8).
| - Letlelela Moya o Boitshepo go laola le go nonofatsa botshelo le bosupi jwa gago. (Bagalata 5:16, 17 & Ditiro 1:8)
|
| The Church is important | BOTLHOKWA JWA BOKAULENGWE |
| When logs are together; they burn brightly. Put one aside on the cold ground and the fire on it will begin to go out. | Dikgong fa di le mmogo di dira kgabo e kgolo, mme fa o baya legong le le lengwe mo mmung molelo wa lone o tla tima. Fela jalo le wena o ka se ka wa kgona go tshela botshelo jwa Sekeresete o le nosi. |
| It is important that you should join other people who have received Jesus Christ as their Lord and Saviour. | Gore a tlhokega gore o kopane le batho ba ba amogetseng Keresete jaaka Morena le Mmoloki wa bone. |
You should go to a church where people believe that the Bible is true and where Jesus Christ is obeyed. (Hebrews 10:25). | O tshwanetse go tsena kereke e mo go yone go dumelwang gore Baebele e boammaruri, ko Jesu Keresete a obamelwang teng. (Bahabere 10:25) |
| |
| WANT FURTHER HELP? |
| If you would like help in developing a closer relationship with Jesus Christ, please visit: |
| StartingwithGod.com |
| everyperson.com |
| FirstStepswithGod.com |
| mylanguage.net.au |
We encourage the use of this material. However, in order to maintain quality and protect the content from changes, neither this outline nor parts thereof may be reproduced in any form without written permission from
Power to Change, PO Box 565, Mulgrave, VIC 3170 Australia.
© 1985- 2019 Power to Change A.C.N 002 310 796 |